LEHUMA, BONG LE MOLAO WA TEKATEKANO
Ntwa kgatlhanong le lehuma e sale e lowa go tloga kwa ga Lowe mme le ga jaana re tsweletse go lebagana nayo le mo mileniamong o montšhwa. Ga gona gope kwa ntwa eno e bonala sentle gona go gaisa fa e lebelelwa ka bokao jwa bong le lehuma mo Aforika.
Lehuma ke eng?
Bukafoko ya Sekgowa ya Oxford e tlhalosa lehuma jaana:
Seemo se mo go sona go nang le lehumo le lennye fela gongwe go sena lehumo lepe gongwe le fa e le dithoto; bodidi, botlhoki'.
Mo dingwageng tse di sa tswang go feta, dipatlisiso tse di ntseng di lebelela megopolo ya batho ba ba humanegileng di lemogile gore lehuma le akaretsa ditlhokego tse dintsi, go akarediwa go nna mo matshosetsing a tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong, tota le go tlhoka dithoto.
Ka jalo, lehuma ke go tlhoka bokgoni jwa go bona seemo se se kwa tlase fela sa botshelo, se se lekanyediwang go ya ka ditlhokego tsa ntlha tsa dijo gongwe lotseno la go di fitlhelela
Lehuma le lekanyediwa jang?
Go na le ditsela di le pedi tsa go lekanyetsa lehuma:
Lehuma la bodidi jwa nta e e motopo; le
Lehuma fela.
Lehuma la bodidi jwa nta e e motopo (lehuma le le feteletseng) le tsamaelana le botlhoki jo bo tseneletseng. Lehuma le le feteletseng le ka ga go amogiwa ga batho fa go lekalekanngwa le ditlwaelo le mabaka mangwe a a beilweng ke setšhaba jaaka tekanyetso e e maleba ya ditlhokegopotlana tsa botshelo gongwe seemopotlana se se amogelesegang sa botshelo
Lehuma fela le tsamaelana le go amogwa ga batho fa go lekalekanngwa le ba bangwe mo setšhabeng se ba tshelang mo gare ga sona. Fa go lekanyediwa go tlhoka fano, go elwa tlhoko dintlha di tshwana le go tlhoka tekatekano ya lotseno, lehumo le ditshiamelo tse di mo setšhabeng le mo baaging.
Ke eng se se bakang lehuma mo Aforika Borwa?
Botlhokatiro
Tlhaelo ya thuto
Leroborobo la bolwetse jwa HIV/AIDS
Koketsego ya baagi ba kwa metsemagaeng
Bosenyi
Dipalopalo tsa lehuma mo Aforika Borwa di eme jang?
Pegelo ya fa gautshwane ya Aforika Borwa e sweditse gore selekano sa batho ba ba mo lehumeng, go ya ka seelo sa lehuma sa Aforika Borwa, se wetse tlase (go tswa go 51,1% ka ngwaga wa 1995 go ya go 48,5% ka ngwaga wa 2002) fela palo yotlhe ya lehuma e oketsegile go tswa go dimilione di le 20,2 ka ngwaga wa 1995 go ya go dimilione di le 21,9 kwa ngwaga wa 2002. Gape pegelo e tlhalosa gore selekano sa baagi ba ba tshelang ka fa tlase ga $1 ka letsatsi e oketsegile go tswa go 9,4% kwa ngwaga wa 1995 go ya go 10,5% ka ngwaga wa 2002.
Go reng basadi ba le mo matshosetsing a lehuma?
Ditiragatso tsa setso
Mabaka a loago
Lehuma, bong, le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong di amana jang?
Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le lehuma di-ya-thoteng di bapile. Ka bomadimabe basadi ba le bantsi mo Aforika Borwa ke batswasetlhabelo ba go betsakakiwa, petelelo le tshotlakako ya maikutlo. Fela, lehuma le oketsa matshosesi a go nna motswasetlhabelo wa tirisodikgoka.
LETLHOMESO LA MOLAO LE PHOLISI
DIDIRISWA TSA BODITŠHABATŠHABA TSE DI TSWELETSANG TSWELETSO YA BASADI LE PHEDISO YA LEHUMA MO BASADING.
Tumelano ya Phediso ya Mefuta yotlhe ya Tlhaolo Kgatlhanong le Basadi e e itsegeng ka CEDAW
Letlhomeso la Tiro la Beijing
DIDIRISWA TSA KGAOLO TSE DI TSWELETSANG SEABE SA BASADI MO PUSONG
Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le Batho;
Porotokolo ya Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le Batho tsa Basadi ba ba mo Aforika
Kgoeletso ya Khonferense ya Borataro ya basadi ya Kgaolo ya Aforika
MELAO YA AFORIKA BORWA LE DIKGETSE TSA TSHEKAMELO YA BONG LE BONG
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Molao wa bo108 wa 1996 (Molaotheo);
Molao wa Dikolo wa Aforika Borwa wa bo84 wa 1996;
Molao wa Bosetšhaba wa Pholesi ya Thuto wa bo 27 wa 1996;
Moalo wa Tlhabololo ya Bokgoni wa bo97 wa 1998;
Molao wa Thuto le Katiso e e Tswelelang Pele wa bo98 wa 1998
Molao wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Dimiinerale le Peteroleamo wa bo28 wa 2002;
Molao wa Maatlafatso e e Anameng ya Ikonomi ya Bantsho
Molao wa Tirisodikgoka ya mo Malapeng wa bo 116 wa 1998; le
Molao wa Thapo ka Tekatekano wa bo55 wa 1998
